MOLAO WA BADIRI WA 1995 Molao wa bo 66 wa 1995
Komišinara ga a tshwanela go akaretsa taolo e e mabapi le ditshenyegelo mo thebolong ya katlholo, fela a ka dira jalo fa lekoko kgotsa motho yo o emetseng lekoko leo mo ditshekatshekong tsa katlholo le itshotse ka mokgwa o o sa siamang ka motsi wa ditshekatsheko tsa katlholo.
Dikaelo tse di kgethegileng ka ga dikatlholo tse di mabapi le diteleko tse di amang mabaka a a lebaganeng le maitsholo kgotsa bokgoni.
Fa kgotlhang e e atlholwang e le ka ga go lelekiwa go go siameng mme lekoko le bua fa lebaka la teleko le amana le maitsholo a ga modiri kgotsa bokgoni jwa gagwe, makoko ga a tshwanelwa ke go emelwa ke mmueledi mo ditshekatshekong tsa katlholo kwa ntle ga karolo ya bo 1384 fa fela----
a komišinara le makoko otlhe a mangwe ba dumelana, kgotsa b komišinara a swetsa ka gore ga go kgonagale go solofela lekoko go ka mekamekana le kgotlhang kwa ntle le go emelwa ke mmueledi, morago ga go sekaseka dintlha tse di latelang----
i boleng jwa dipotso tsa molao tse di tlhodiwang ke kgotlhang, ii tharaano ya kgotlhang, iii kgatlhego ya setšhaba, le iv papiso ya bokgoni jwa makoko a a ngangisanang kgotsa baemedi ba ona mabapi le go samasana le katlholo ya kgotlhang.
Fa , go ya ka karolo ya bo 1941, komišinara a fitlhela gore teleko ga se e e siameng, komišinara a ka kopa mothapi go duela madi a katlholo.
Fa dikaelo tsa karolwana1a di dira , komišinara a ka dira thebolo e Kgotlatshekelo ya Badiri e ka bong e e dirile.
Dithata tsa ga komišinara mo maitekong a go rarabolola dikgotlhang
Komišinara e e thapilweng go leka go rarabolola kgotlhang e ka----
a kopa mongwe yo o ka kgonang go ka neelana ka tshedimosetso kgotsa yo go nna teng ga gagwe mo ditshekatshekong tsa go letlanya kgotsa ya go atlhola go ka thusa go rarabolola kgotlhang, go tla go botsolotswa, b kopa mongwe yo go dumelwang a tshotse kgotsa a na le taolo ya buka, tokomane kgotsa selo se se malebana le tharabololo ya kgotlhang, go tlhagelela fa pele ga komišinara go botsolotswa kgotsa go ntsha buka eo, tokomane eo kgotsa selo seo, c bitsa moitseanape mongwe, fa go tlhokagala go mo kopa go tlhagelela fa pele ga komišinara go neelana ka bopaki jo bo malebana le tharabololo ya kgotlhang, d bitsa mongwe yo o le teng mo ditshekatshekong tsa go letlanya kgotsa ya go atlhola kgotsa yo o kileng a kopiwa go tlhagelela mabapi le morero wa karolo e kgotsa yo o ka bong a kopilwe go tlhagelela, go tla go botsolotswa ka ga sengwe se se malebana le kganetsano, e tsamaisa maikano kgotsa ya amogela tlhomamiso ya mongwe yo o biditsweng go tla go neelana ka bopaki kgotsa yo o biditsweng go tla go botsolotswa, f ka nako e e tshwanelang, fela morago ga go amogela tumelelo e e kwadilweng-----
i tsena le go tlhatlhoba moago mongwe o ka mo go ona buka, tokomane kgotsa selo, se se malebana le tharabololo ya kgotlhang se ka fitlhelwang kgotsa ka mabaka a a utlwagalang go belaelwa se ka fitlhelwa ka mo go ona, le g fa motho ka bomo a kgoreletsa komišinara go dira tiro e e neetsweng ke Molao o kgotsa go ya ka Molao o, h Fa motho a tlhapatsa, kgobotla kgotsa a nyatsa komišinara, kgotsa a gobelela kgotsa a tlhotlheletsa ditshekatsheko ka tsela e e sa siamang kgotsa a bonela pele thebolo a ga komišinara ka tsela e e sa siamang, i Ka bomo a kgoreletsa ditshekatsheko tsa go letlanya kgotsa tsa go atlhola kgotsa a itshola bobe ka mokgwa mongwe ka nako ya ditshekatsheko, j Go dira sengwe se se mabapi le Khomišene se, fa se diriwa mabapi le kgotla ya molao, se ka bo se kailwe fa e le go nyatsa kgotlatshekelo.
Khomišene e ka fetisetsa lonyatso kwa Kgotlatshekelong ya Badiri go bona taolo e e maleba.
Maatla a dithebolo tsa katlholo
Thebolo ya katlholo e e ntshiwang ke komišinara e ka se ke ya fetolwa e bile e a tlama gape e ka diriwa taolo ya Kgotlatshekelo ya Badiri go ya ka karolo ya bo 158 (c), se, se ka se diragale fa e le gore ke thebolo ya katlholo ya kgakololo.
Fa thebolo ya katlholo e laela lekoko go duela madi, madi ao a tlile go tsala merokotso go simolola ka letlha la thebolo ka kelo e e tshwanang le e e beilweng nako le nako ya katlholo ya molato go ya ka karolo ya bo 2 ya Molao o o Beilweng wa Kelo ya Merokotso, wa 1975 Molao wa bo 55 wa 1975, se, se ka se diragale fa e le gore thebolo e kaya sengwe se se kwa thoko.
Phetolo le kemiso ya dithebolo tsa katlholo
Komišinara e e ntshitseng thebolo ya katlholo, e dira ka tetla ya komišinara kgotsa e dira tiragatso e e amang lekoko lengwe, e ka fetola kgotsa ya emisa thebolo ya katlholo----
a e e fitlheletsweng ka phoso kgotsa e e dirilweng lekoko le le amiwang ke thebolo eo le se teng.
b mo go fitlhelwang gore go na le bokaopedi , kgotsa phoso e e bonagalang kgotsa tlhokomologo, fela go lebilwe bogolo jwa bokaopedi joo, phoso kgotsa tlhokomologo, kgotsa c thebolo e e neetsweng ka ntlha ya phoso e e amang makoko a a leng mo ditshekatsheko.
Tlhatlhobo-sešwa ya dithebolo tsa katlholo
Lekoko le le amegang mo kgotlhangnngeng mme le ngongorega gore go na le phoso mo ditshekatshekong tsa katlholo e e leng ka fa tlase ga tlhokomelo ya Khomišene le ka dira lekwalo-kopo kwa Kgotla-tshekelong ya Badiri gore go tle go rebolwe taolo e e tola itlhomolosang thebolo ya katlholo----
a selekano sa dibeke di le thataro morago ga letlha la thebolo e e reboletsweng mokopi, se se ka se diragale fa e le gore phoso e ama tshenyego, kgotsa b fa e le gore phoso e ama tshenyego, selekano sa dibeke di le thataro morago ga letlha le mokopi a lemogileng tshenyego ka lona.
Phoso e e malebana le karolwana ya bo 1, e kaya----
i e tlotse molao mabapi le ditiro tsa ga komišinara jaaka moatlhodi, ii e dirile tlolo-molao e e botlhaswa mabapi le ditshekatsheko tsa katlholo, kgotsa iii e fetisitse dithata tsa ga komišinara b le gore thebolo ga e aka ya fitlhelelwa sentle.
TELEKO E E SA SIAMANG
Tshwanelo ya gore o se ke wa lelekiwa ka tsela e e sa siamang
Modiri mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya gore a se ke a lelekiwa ka tsela e e sa siamang.
Bokao jwa teleko
Teleko'' e kaya gore----
a mothapi o khutlisitse konteraka ya tiro ka kitsiso kgotsa kwa ntle le kitsiso, b modiri ka tsholofelo e e utlwagalang o ne a solofetse gore mothapi o tla ntšhwafatsa paka e e tsepameng ya konteraka ya tiro mo di pakeng tse di tshwanang mme mothapi ena a itlhophela go ntšhwafatsa ka dipaka tse di sa utlwagaleng sentle, kgotsa a seke a e ntšhwafatsa, c mothapi o ganne go letlelela modiri go simolola go dira gape morago ga gore ----
i a tsee khunologo ya bosadi go ya ka molao mongwe le mongwe, kutlwano e e kopanetsweng kgotsa konteraka ya tiro; kgotsa ii o ne a sa tla tirong selekano sa dibeke tse nne pele ga letlha le le solofetsweng, le selekano sa dibeke tse robedi morago ga letlha la pelego ya ngwana, d mothapi yo o lelekileng badiri ba ba mmalwa ka ntlha ya mabaka a a tshwanang o itlhphela go thapa a le mongwe kgotsa go feta gape mme o gana go thapa ba bangwe gape, kgotsa e modiri o khutlisitse konteraka ya tiro ka kitsiso kgotsa kwa ntle ga kitsiso ka gonne mothapi o ne a tswelela go dira gore modiri a seke a kgona go itshokela tiro.
Diteleko tse di sa siamang tse di dirilweng kwa ntle ga go akanngwa
Teleko e e sa siamang e e dirilweng kwa ntle ga go akanngwa ke fa mothapi mo go lelekeng modiri, a tlola karolo ya bo 5 kgotsa fa e le gore lebaka la teleko ke la---
a gore modiri o ne a nna le seabe mo kgotsa o ne a ema nokeng, kgotsa kgotsa a kaya fa a ikaelela go nna le seabe mo kgotsa a kaya fa a ikaelela go ema nokeng kgato e e mabapi le go ikgatholosa tiro kgotsa kgato ya ngongorego e e obamelang dikaelo tsa Kgaolo ya bo IV, b gore modiri o ne a gana, kgotsa a kaya fa a ikaelela go gana go dira tiro e ka gale e diriwang ke modiri yo ka nako eo a neng a na le seabe mo kgatong e e neng e le mabapi le go ikgatholosa tiro e e neng e obamela dikaelo tsa Kgaolo ya bo IV kgotsa o ne a tswalelwa kwa ntle, se se ka diragala fa e le gore tiro eo e botlhokwa go thibela tatlhegelo ya botshelo, polokego kgotsa boitekanelo, c go pateletsa modiri go amogela kopo e e ka ga kgatlhego ya ga mothapi le modiri, d gore modiri o tsere kgato, kgotsa a kaya fa a ikaelela go tsaya kgato, kgatlhanong le mothapi ka go----
i diragatsa tshwanelo e e neetsweng ke Molao o, kgotsa
Karolo ya bo 5 e neela ditshireletso mabapi le tshwanelo ya kgololosego ya botsalano le mo malokong a diforamo tsa kwa tirong.
Kgaolo ya bo IV e dira ka kgato ya kwa madirelong le boitsholo mo go eme nokeng kgato ya kwa madirelong.Kgaolo ya bo 67 le di re----
'' Mothapi ga a tshwanela go leleka modiri ka gonne a nnile le seabe mo go ikgatholoseng tiro go go sireletsegileng kgotsa boitsholo jwa go akanya ka ga sona kgotsa mo go tswelediseng pele go ikgatholosa tiro go go sireletsegileng.
Karolwana ya bo 4 ga e thibele mothapi go leleka modiri sentle ka go obamela dikaelo tsa Kgaolo ya bo VIII mabapi le lebaka le le lebaganeng le boitsholo jwa ga modiri ka motsi wa go ikgatholosa tiro, kgotsa mabapi le lebaka le le lebaganeng ditlhokego tsa tsamaiso tsa ga mothapi.''
Karolo ya bo 77 e re----
Motho mongwe le mongwe yo o nnang le seabe mo kgatong ya ngongorego kgotsa mo boitsholong jwa go akanya ka ga seo kgotsa mo go tswelediseng pele kgato ya ngongorego e e obamelang karolwana ya bo o bona tshiamelo ya ditshireletso tse di neetsweng ke karolo ya bo 67.''
ii go nna le seabe mo ditshekatshekong go ya ka Molao o, e boimana jwa modiri, boimana jo bo ikaeletsweng, kgotsa lebaka lengwe le lengwe le le ka ga boimana, f gore mothapi o ne a kgetholola modiri ka tlhamalalo kgotsa e seng ka tlhamalalo , ka boithatelo , go akaretsa lotso, bong, bong, tlholego ya semorafe, kgotsa tlholego ya loago, mmala, tsa bong, dingwaga, bogole , bodumedi, segakolodi, tumelo, kakanyo ya sepolotiki, setso, puo, kemo ya nyalo kgotsa maikarabelo a lolapa le tse dingwe.
Kwa ntle ga karolwana ya bo 1f-----
a teleko e ka nna e e siameng fa fela lebaka la teleko le lebagane le tlhokego e e leng teng ya tiro e e rileng , b teleko e e lebaganeng le dingwaga e siame fa e le gore modiri o fitlheletse dingwaga tsa tholotiro tse di tlwaelegileng kgotsa dingwaga tse di utlwanetsweng tsa tholotiro mabapi le batho ba ba thapilweng ka tsela eo.
Diteleko tse dingwe tse di sa siamang
Teleko e e siameng e e dirilweng ka go akanngwa, e fetoga e e sa siamang fa fela mothapi a retelelwa ke go supa----
a gore lebaka la go leleka ke lebaka le le siameng----
g le lebagane le boitsholo jwa modiri kgotsa bokgoni jwa gagwe, kgotsa ii le lebagane le ditlhokego tsa tiro tsa ga mothapi, le b gore teleko e ne ya tsenngwa tirisong ka go latela tsela e e siameng.
Motho mongwe le mongwe yo o akanyang gore lebaka la teleko ke le le siameng kgotsa ke le le sa siamang kgotsa teleko e ne ya tsenngwa tirisong ka go latela tsela e e siameng kgotsa nnyaa o tshwanetse go ela tlhoko melawana ya tiriso e e siameng e e rebotsweng go ya ka Molao o.
Diteleko tse di mabapi le ditlhokego tsa tiro
Fa mothapi a akanya ka go leleka modiri a le mongwe kgotsa go feta ka ntlha ya mabaka a a mabapi le ditlhokego tsa tiro tsa ga mothapi, mothapi o tshwanetse go rerisana le--
a motho mongwe le mongwe yo mothapi a tshwanetseng go rerisana le ena mabapi le kutlwano e e kopanetsweng, b fa e le gore ga go na kutlwano e e kopanetsweng e e tlhokang therisano, foramo ya mo tirong e a dirisiwa fa e le gore badiri ba go nang le kgonagalo ya gore ba ka amiwa ke diteleko tse di tshitshinngwang ba thapilwe mo tirong fa e le gore go na le foramo ya mo tirong, c fa e le gore ga go na foramo ya mo tirong kwa lefelong la tiro kwa badiri ba go nang le kgonagalo ya gore ba ka amiwa ke diteleko tse di tshitshintsweng ba dirang kwa teng, mokgatlho wa badiri o maloko a ona a nag le kgonagalo ya gore a ka amiwa ke diteleko tse di tshitshintsweng o ka dirisiwa, d fa e le gore ga na mokgatlho wa badiri wa mofuta oo, badiri ba go nang le kgonagalo ya gore ba amiwa ke diteleko tse di tshitshintsweng ba ka dirisiwa kgotsa baemedi ba bona ba ba tlhophilweng go ka dira tiro eo.
Makoko a a rererisanang a tshwanetse go leka go fitlhelela tumelano mabapi le a dintlha tse di maleba---
i go tila diteleko, ii go fokotsa palo ya diteleko, iii go fetola nako ya diteleko, le iv go tlhofofatsa ditlamorago tsa diteleko, b mokgwa wa go tlhopha badiri ba ba tshwanetsweng ke go lelekiwa, le c tuelo e e botlhoko mabapi le badiri ba ba lelekilweng
Mothapi o tshwanetse go senolela lekoko le lengwe le leng mo ditherisanong tshedimosetso e e kwadilweng, go akaretsa le --
a mabaka mabapi le diteleko tse di tshitshintsweng, b ditsela tse dingwe tse mothapi a neng a di sekaseka pele a ka tshitshinya diteleko, le mabaka a go gana nngwe le nngwe ya ditsela tseo, c palo ya badiri ba go nang le kgonagalo ya gore ba ka amega le dikarolo tsa tiro tse ba thapetseweng tsona, d mokgwa o o tshitshintsweng mabapi le tlhopha badiri ba ba tshwanetseng go lelekiwa, e nako e kgotsa motsi o diteleko di tshwanetseng go tsenngwa mo tirisong ka ona, f tuelo ya botlalo e e tshitshintsweng, g thuso nngwe e mothapi ae tshitshinyang go fana ka yona mabapi le badiri ba go nang le kgonagalo ya gore ba ka amega, le h kgonagalo ya gore badiri ba ba lelekilweng ba ka thapiwa gape mo nakong e e tlang, le tse dingwe
Dikaelo tsa karolo ya bo 16 di a dira, di buisiwa le diphetogo tse di tlhokiwang ke diteng, mabapi le tshenolo ya tshedimosetso go ya ka karolwana ya bo .
